Motswako Wa Letshololo
Bolwetse jwa letshololo ke bongwe jwa malwetse a a tlwaelesegileng mo lefatsheng ka bophara. Mo Botswana, ke bongwe jwa malwetse a a bakang dintsho mo baneng ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano. Bontsi jwa bana ba ba tlhokafalang ba bolawa ke letshololo e a bo e le ka ntlha ya gore ba latlhegetswe ke metsi le matswai mo mmeleng. Motswako wa letshololo ke kalafi e e fiwang ngwana yo o amilweng ke letshololo ka go latlhegelwa ke metsi.





Download



Back